Luke 24

Go tsoga ga ga Jesu

1Erile go sa le mo mosong ka Tshipi ba tseela ditlolo tsa bone kwa phupung, 2mme ba fitlhela lentswe le legolo le le neng le khurumeditse phupu le hidikolotswe. 3Jalo ba tsena mo teng, mme setopo sa ga Jesu sa bo se seyo.

4Ba ema foo ba reregile ba akanya gore se ka bo se diragaletswe ke eng? Ka tshoganetso banna ba babedi ba iponatsa mo go bone, ba apere diaparo tse di tshweu di lakasela mo e leng gore matlho a bone a ne a kaloga. 5Basadi ba bo ba tshogile thata mme ba obama fa pele ga bone. Mme banna ba ba botsa ba re, “Ke eng fa lo batla motshedi mo diphupung? 6
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Luke 24:7.
7
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Luke 24:6-7.
Ga a yo fa! O rudile! A ga lo gakologelwe se o neng a se lo bolelela kwa Galalea gore Mesia o tshwanetse go okelwa mo nonofong ya batho ba ba bosula a bo a bapolwa mme a tsoge ka letsatsi la boraro?”

8Mme ba gakologelwa, 9ba sianela kwa Jerusalema go ya go bolelela barutwa ba gagwe ba ba lesome le bongwe le mongwe le mongwe se se diragetseng. 10(Basadi ba ba neng ba ya kwa phupung e ne e le Marea Magatalena, Joana le Marea mmagwe Jakobe le ba bangwe ba le bantsinyana). 11Mme polelo e ya utlwala ekete dinaane fela mo bathong, ba se ka ba e dumela. 12Le fa go ntse jalo, Petere a sianela kwa phupung go ya go bona. A obama a okomela mme a bona diphutho tse di senang sepe; a boela gae, a gakgamaletse se se diragetseng.

Jesu le barutwa ba gagwe kwa Emau

13Ka lone letsatsi leo, balatedi bangwe ba ga Jesu ba le babedi ba bo ba ya kwa motsaneng wa Emau; bokgakala jwa dimmaele di supa go tswa kwa Jerusalema.

14Ya re ba ntse ba tsamaya ba bo ba bua; kaga loso lwa ga Jesu, 15mme ka tshoganetso Jesu ka sebele a tla a tseisanya nabo tsela!

16Mme ba se ka ba mo lemoga, gonne Modimo o ne wa dira gore ba seka ba lemoga. 17A ba raya a re, “Lo lebega o ka re lo tshotse kgang e tona ka ga sengwe. Lo tshotse kgang ka ga eng?” Ba ema go se kae ba tlhontse difatlhogo.

18Mme mongwe wa bone, ebong Keleopase a fetola a re, “E tshwanetse ya bo e le wena fela mo Jerusalema yo o iseng o utlwalele dilo tse di gakgamatsang tse di diragetseng mo bekeng e e fetileng.” 19Jesu a botsa a re, “Dilo di fe?” Ba re, “Dilo tse di dirageletseng Jesu, wa Monasara. E ne e le Moporofiti yo o neng a dira dikgakgamatso tse di leng thata go dumelwa ebile e le Moruti yo mogolo yo o neng a tlotlwa thata ke Modimo le batho. 20Mme baperesiti ba bagolo le baeteledipele ba tumelo ya rona ba mo tshwara ba mo neela mmuso wa Se-Roma go atlholelwa loso, ba bo ba mmapola. 21Re ne re solofetse gore e ne e le Mesia yo o galalelang yo o tsileng go golola Iseraele. Mme jaanong, mo godimo ga mo gotlhe mo go diragetseng mo malatsing a mararo a a fetileng, 22
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Luke 24:23.
23
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Luke 24:22-23.
basadi bangwe ba setlhopha sa rona sa balatedi ba gagwe ba ne ba le kwa phupung phakela thata mme ba boa ka polelo e e hakgamatsang e e reng setopo sa gagwe ga seyo, le gore ba bonye baengele gone ba ba ba boleletseng gore Jesu o a tshela!
24Bangwe ba rona ba ne ba sianela teng go ya go bona, mme ka boammaaruri jo bo tletseng setopo sa ga Jesu sa bo se seyo, fela jaaka basadi ba boletse.”

25Mme Jesu a ba raya a re, “Lo dieleele go le kae? A batho ba ba dieleele! Lo palelwa ke go dumela se baporofiti ba se kwadileng mo dikwalong! 26A ga go a tlhalosiwa pele ke baporofiti gore Mesia o tlaa bogela dilo tse tsotlhe pele ga a tsena mo kgalalelong ya Gagwe!”

27Mme a ba phuthololela mafoko ka go latelana ga one mo dikwalong tsa baporofiti, a simolola ka lokwalo lwa Genesese mme a tsamaya le dikwalo tse dingwe, a tlhalosa gore mafoko a ne a raya eng le gore a ne a bua kaga gagwe.

28Ka nako e ba ne ba atamela Emau kwa ba neng ba ya teng. Jesu a dira jaaka o ka re o santse a fetela kwa pele, 29mme ba mo kopa go lala nabo, ka nako e ne e setse e fetile. Jalo a ya lwapeng nabo. 30Mme ya re ba nna fa fatshe ba a ja, a kopela dijo tshegofatso mo Modimong mme a tsaya senkgwe se sennye a se ngathoganya a se ba naya, 31ka bonako matlho a bone a bulega mme ba mo lemoga! mme ka sone sebaka se a nyelela. 32Ba simolola go bolelelana ka fa dipelo tsa bone di tlhotlhelesegileng ka teng fa a bua le bone a tlhalosa dikwalo fa ba ntse ba tsamaya mo tseleng.

33
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Luke 24:34.
34
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Luke 24:33-34.
Fela ka yone nako eo ba nanoga ba boela kwa Jerusalema, kwa barutwa ba ba lesome le motso le balatedi ba bangwe ba ga Jesu ba neng ba ba dumedisa ka mafoko a, “Ruri Morena o tsogile. O iponaditse mo go Petere!”
35Mme ba babedi ba ba tswang Emau ba bolela ka fa Jesu a iponaditseng mo go bone ka teng fa a ngathoganya senkgwe.

36Mme ya re ba sa ntse ba bua ka gone, ka tshoganetso Jesu a bo a setse a eme foo mo gare ga bone, a ba dumedisa! 37Mme botlhe ba bo ba tshogile thata, ba gopola gore ba bona sepoko. 38A ba botsa a re, “Lo tshositswe ke eng? Ke eng fa lo belaela gore a ruri ke Nna?

39“Lebelelang dinao tsa me! Lo ka bona gore ke nna ka sebele. Nkamang gore lo tlhomamise sentle gore ga ke sepoko! Gonne dipoko ga di na mebele, jaaka lo bona nna ke na le one.” 40Mme ya re a bua jaana, a tsholetsa diatla gore ba bone [dipadi tsa dipekere] mo diatleng tsa gagwe, a ba a ba kaela dintho mo dinaong tsa gagwe. 41Le fa go ntse jalo ba nna foo ba sa itse gore ba ka reng, ba tletse boitumelo le pelaelo. Mme a ba botsa a re, “A lo na le sengwe se se jewang fano?”

42Ba mo naya setoki sa tlhapi e e besitsweng.

43Mme a e ja ba mo lebeletse. 44Mme a ba raya a re, “Mafoko a, ke ona a ke kileng ka a bua le lona ke santse ke na le lona fa dilo tsotlhe di na le go diragala, ebong tse di kwadilweng mo molaong wa ga Moshe, le mo baporofiting le mo dipesalemeng, kaga me.” 45Hong a rarabolola tlhaloganyo ya bone, gore ba tlhaloganye dikwalo.

46Mme a ba raya a re, “Go kwadilwe jaana, fa ene Keresete a tla swa jalo, mme a ba a tsoga mo losong ka letsatsi la boraro; 47le gore go rerelwe merafe yotlhe boikotlhao jwa dibe ka leina la gagwe, go simolola mo Jerusalema.

48“Lona lo basupi ba dilo tse. 49Mme, bonang, ke tlisa polelo ya tsholofetso ya ga Rre mo go lona: mme lo name lo sa diegile mo motseng wa Jerusalema, go tlo go tsamaye lo amogele nonofo e e tswang kwa godimo.”

50Mme a ba etelela pele ba ya go fitlha go lebagana le Bethania; mme a choletsa mabogo a gagwe, a ba segofatsa. 51Mme ga diragala ya re a sa ntse a ba segofatsa, a kgaogana nabo, mme a tsholelediwa kwa legodimong.

Jesu o boela legodimong

52Mme ba mo obamela; mme ba boela kwa Jerusalema ka boitumelo jo bogolo, 53mme ba tlhola ba ntse ba le mo tempeleng ka gale, ba baka Modimo.
Copyright information for TsnLEF